Buka 3B Buka 3B - Home | VulaBula Grade 1-3...utlwsii tswe bothl oko ke gore ga a bona bana ba ba...

44
Buka 3B MOPHATO 3 SETSWANA 1.    Ke mang yo o thubileng  fensetere? 2.  Lesedi o ya lebenkeleng 4.  Go nna eng fano? 3.  Sopo ya maje

Transcript of Buka 3B Buka 3B - Home | VulaBula Grade 1-3...utlwsii tswe bothl oko ke gore ga a bona bana ba ba...

  •      Buka 3B     Buka 3B

    MOPHATO 3 SETSWANAISBN: 978-1-77580-233-4

    MOPHATO 3

    1.   Ke mang yo o thubileng fensetere?

    2.  Lesedi o ya lebenkeleng

    4.  Go nna eng fano?3.  Sopo ya maje

     BUKA 1A   BUKA 1B1. Selae sa bofelo sa kuku2. Ntate o tlhokometse lesea3. O tlile go dirang jaanong?4. Tobekano e kana!

    1. Kausu e e latlhegileng2. Melekorone3. Go aba go monate4. Setshwantsho sa popego

        BUKA 2A    BUKA 2B1. Ke leotwana la ga mang le?2. Neo o kae?3. Black-mampatile4. Kganetsano fa gare ga phefo le letsatsi

    1. Thusa!2. Sephiri3. Segwete se segolo4. Ke ipaakanyeditse leeto

          BUKA 3A      BUKA 3B1. Ao, Rre Kgabo!2. Go reetsa mmino 3. Re baka dikuku le nkoko4. Bosigo mo polasing

    1.  Ke mang yo o thubileng fensetere?2.  Lesedi o ya lebenkeleng3.  Sopo ya maje4.  Go nna eng fano?

            BUKA 4A         BUKA 4B1. Mmutla le Khudu2. Toropo ya rona3. Tshoswane le tsiekgope4. Ke leino la ga mang le?

    1. Dikeletso tse tharo2. Batsoma diphologolo3. Tau le peba4. Aforika Borwa wa rona

    (le Bukana ya Dikarabo tsa Sekao)

    Dibuka tsa go ithuta go buisa mo kgatong eno di na le ditsebe tse di oketsegileng, mokwalo o o oketsegileng mo tsebeng nngwe le nngwe, dipolelo tse di telelenyana, pharologano e kgolwane ya dipaterone tsa dipolelo, puo ya semmuso le puotlhalosi, mmogo le tlotlofoko e kgolwane. Go buisa e nna selo se se itiragalelang fela jaanong, ka boikaelelo jwa go tlhaloganya mo boemong jwa go bitsa mafoko fela /go a peleta fa barutwana ba le gaufi le go buisa ka bobone. Dibuka tseno tsa go ithuta go buisa di ba naya ditshono tsa go buisa ba le setlhopha, ba kaelwa, ka bobedi le bobedi le ka bongwe ka bongwe.

    SETSWANA

    Dibuka tsa go ithuta go buisa tsa Mophato 3 tsa Vula Bula di katisetsa bana go ithuta go buisa ka thelelo ba sa le bannye. Buka nngwe le nngwe e na le ditlhamane di le nne tse di farologaneng, go akaretsa le mokwalo ka dilo tsa mmatota. Pele ga tlhamane nngwe le nngwe, go na le lenaane la mareo a tlotlofoko le lenaane la mafoko a go leng ‘thata go a buisa’ a go lebeletsweng gore barutwana ba a kgone. Tlhamane nngwe le nngwe e latelwa ke dipotso di le mmalwa tsa tekotlhaloganyo, le ditirwana tsa puo le tsa a re kwaleng tse di golagantsweng le CAPS le Dibukatiro tsa Mophato 3 tsa DBE.

    Tswana-3B.indd 2-3 2015/10/19 12:19 PM

  • Motseletsele wa dibuka tsa go ithuta go buisa tsa Mophato wa Motheo

    E phatlaladitswe ke Molteno Institute for Language and Literacy ka 2014

    E duetswe ke Zenex Foundation

    Mophato 3 Buka 3B n Motlhagisi wa motseletsele: Jenny Katzn Batlhami ba ditlhamane: Mirna Lawrence le Jenny Katzn Dipotso le ditirwana tsa morago ga go buisa: Jenny Katzn Mankge wa puo ya Setswana: Peter Mekgwen Mogakolodi wa Setswana: Johanna Mogodirin Batshwantshi: Shayle Bester - 1. Ke mang yo o thubileng fensetere?,

    3. Sopo ya maje Sandy Lightley - 2. Lesedi o ya lebenkeleng Sandy Campbell - 4. Go nna eng fano?

    n Boalo le thulaganyokgabo: Resolution le ihwhiteDesign

    © 2014 ke ya Molteno Institute for Language and Literacy

    ISBN 978-1-77580-233-4

    MOPHATO 3

         Buka 3B

    Diteng 

    1. Ke mang yo o thubileng fensetere? ................. 1

    2. Lesedi o ya lebenkeleng .................................. 11

    3. Sopo ya maje ................................................... 21

    4. Go nna eng fano? ............................................. 31

    Creative Commons Attribution-NonCommercial-NoDerivatives (CC BY-NC-ND) 4.0 International Licence

    Disclaimer: You are free to download and share this work as long as you attribute the Molteno Institute for Language and Literacy, but you may not change this work in any way or use it commercially.

    Tswana-3B.indd 4-5 2015/10/19 12:19 PM

    http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/http://creativecommons.org/licenses/by-nc-nd/4.0/

  • 1

    1. Ke mang yo o thubileng fensetere?

    PELE O BUISA KGANG

    Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

    garolwa pelo, phanyegile, bodilong, boapelo, senang tsebe,

    baagelaning, sekgalanyana, bolotlowa, phifadu, motopo, maitshwarelo,

    nyenya, solofetsa, ikatisetsa

    Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

    sekgalanyana, serolwane, rekebii, utlwisitswe, tshingwaneng,

    maitshwarelo

  • 2

    Fa Mme Thari a tla gae a tswa mabenkeleng o ne a garolwa pelo ke go bona gore fensetere ya gagwe ya boapelo e ne e phanyegile. Digalase di ne di tletse gotlhe, mme bolo e nnye, e e thata, e tshweu e ne e le fa fatshe mo bodilong jwa boapelo.

    ‘Fensetere e thubegile!’ Mme Thari a goa jalo. ‘Ke ya go batla gore ke mang yo o e thubileng!’

    Mme Thari o ne a galefile. O ne a dumela gore fensetere ya gagwe ya boapelo e thubilwe ke bana bangwe ba ba senang tsebe ka bolo ya bone. Ka jalo a tswela kwa baagelaning …

  • 3

    Mme Thari o ne a bona basimane bangwe ba tshameka kirikete.

    ‘A ke bolo ya lona e? A lo thubile fensetere ya me?’ a botsa a galefile.

    Basimane ba leba bolo e nnye e tshweu mo seatleng sa ga Mme Thari. Morago ga moo ba mo supetsa bolo ya bone ya kirikete e e khibidu.

    ‘Nnyaa, Mme! Bolo eo ga se ya rona. Ya rona ke e. Ga re a thuba fensetere ya gago,’ basimane ba rialo.

  • 4

    Mme Thari a tsamaya sekgalanyana. A bona basetsana bangwe ba tshameka bolotlowa.

    ‘Bolo eno e thubile fensetere ya me. A ke ya lona?’ Mme Thari a botsa.

    Basetsana ba leba bolo e nnye e tshweu mo seatleng sa ga Mme Thari. Morago ga moo ba mo supetsa bolo ya bone e kgolo ya mmala wa namume ya bolotlowa.

    ‘Nnyaa, Mme! Bolo eo ga se ya rona. Ya rona ke e. Ga re a thuba fensetere ya gago,’ basetsana ba rialo.

  • 5

    Mme Thari a tswelela ka mosepele wa gagwe, a ipotsa gore ke bana bafe ba ba senang tsebe ba ba thubileng fensetere ya gagwe.

    A bona bana ba tshameka kgwele ya dinao.

    ‘A ke bolo ya lona e? A lo thubile fensetere ya me?’ Mme Thari a botsa.

    Bana ba leba bolo e nnye e tshweu mo seatleng sa ga Mme Thari. Morago ga moo ba mo supetsa bolo ya bone e kgolo ya kgwele ya dinao ya bontsho le bosweu.

    ‘Nnyaa, Mme! Bolo eo ga se ya rona. Ya rona ke e. Ga re a thuba fensetere ya gago,’ bana ba rialo.

  • 6

    Mme Thari a tsamaela pele. A ipotsa gape gore ke mang yo o thubileng fensetere ya gagwe.

    A bona basetsana ba babedi ba tshameka tenese.

    ‘Bolo eno e thubile fensetere ya me. A ke ya lona?’ Mme Thari a botsa.

    Basetsana ba leba bolo e nnye e tshweu mo seatleng sa ga Mme Thari. Morago ga moo ba mo supetsa bolo ya bone ya tenese ya mmala o o serolwana.

    ‘Nnyaa, Mme! Bolo eo ga se ya rona. Ya rona ke e. Ga re a thuba fensetere ya gago,’ basetsana ba rialo.

  • 7

    Mme Thari o ne a le gaufi le go fitlha kwa gae. O ne a sa ntse a sa itse gore ke mang yo o thubileng fensetere ya gagwe.

    A bona basimane ba babedi ba tshameka rekebii.

    ‘A ke bolo ya lona e? A lo thubile fensetere ya me?’ Mme Thari a botsa.

    Basimane ba leba bolo e nnye e tshweu mo seatleng sa ga Mme Thari. Morago ga moo ba mo supetsa bolo ya bone e kgolo e e phifadu e e motopo ya rekebii.

    ‘Nnyaa, Mme! Bolo eo ga se ya rona. Ya rona ke e. Ga re a thuba fensetere ya gago,’ basimane ba rialo.

  • 8

    Mme Thari a boela gae. O ne a galefile e bile a utlwisitswe botlhoko ke gore ga a bona bana ba ba senang tsebe ba ba thubileng fensetere ya gagwe.

    Fa a le mo tselaneng e e elang kwa ntlong ya gagwe, a bona moagisani wa gagwe, Rre Malema, a ikatisetsa motshameko wa kolofo mo tshingwaneng ya gagwe.

    Mme Thari a leba bolo e nnye e tshweu mo seatleng sa gagwe. Morago ga moo a leba dibolo tse dinnye tse ditshweu tse di tshwanang le yone mo godimo ga bojang mo tshingwaneng ya ga Rre Malema.

    ‘A ke bolo ya gago e?’ Mme Thari a botsa a buela kwa godimo.

    ‘Ee!’ Rre Malema a rialo. ‘Ke bolo ya me.’

    ‘Ka jalo ga se ngwana yo o senang tsebe yo o thubileng fensetere ya me. Ke wena!’ Mme Thari a rialo, a meketse tota.

    ‘Oo, ke kopa maitshwarelo, Mme Thari!’ Rre Malema a rialo. ‘Ke tla duelela fensetere e ntšha. E bile ke tla tla gone jaanong go tla go go thusa go tlosa digalase.’

    Mme Thari a simolola go nyenya gape ka gonne o ne a na le fensetere e ntšha. Rre Malema a solofetsa gore o tla nna kelotlhoko thata fa a ikatisetsa motshameko wa kolofo mo tshingwaneng ya gagwe!

  • 9

    Ke mang yo o thubileng fensetere?

    A. Tekotlhaloganyo

    Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

    1. Mme Thari o fitlhetse go thubegile fensetere ya phaposi efe?

    2. Mme Thari o ne a ikutlwa jang ka fensetere?a) O ne a sa kgathale.b) O ne a utlwile botlhoko e bile a galefile.c) O ne a tshogile. d) Ga go epe ya tse di fa godimo.

    3. Mme Thari o ne a akanya gore ke mang yo o neng a thubile fensetere?

    4. Bolo e nnye, e e thata, e tshweu e ne e le ya motshameko ofe?

    5. Bolela gore a dipolelo tse di latelang di boammaaruri (B) kgotsa maaka (M).

    a) Bolo ya kgwele ya dinao le bolotlowa di a lekana e bile di na le popego e e tshwanang.

    b) Bolo ya tenese e nnye mo bolong ya kolofo.

    c) Bolo ya rekebii e kgolokwe.

    d) O tlhoka bethe, bolo le diwikete gore o tshameke kirikete.

  • 10

    6. Naya dipolelo tseno dinomore go tswa go 1-3 ka tatelano e e tshwanetseng.

    a) O ne a lemoga gore bolo ya kolofo ya ga Rre Malema e ne e thubile fensetere.

    b) Bana botlhe ba ne ba re ga se bolo ya bone.

    c) Mme Thari o ne a ya go batla gore ke mang yo o neng a thubile fensetere ya gagwe.

    7. Rre Malema o ne a bontsha jang gore o a ikwatlhaya?

    B. Go dirisa puo DBE Mophato 3 Bukatiro 2: ts 87

    1. Tlhakanyolola mafoko a a fa tlase a mmala. O bo o kwala polelo ka lengwe le lengwe la one.

    a) eutshwb) bidukhi

    c) munenad) ontsh

    e) lwaronasef) dufaphi

    2. Kwala dipolelo tseno gape ka pakajaanong.

    Mme Thari o ne a tsamaya sekgalanyana. A bona basetsana bangwe ba tshameka bolotlowa.

    ‘A ke bolo ya lona e?’ a botsa.

    C. A re kwaleng DBE Mophato 3 Bukatiro 1: ts 13

    Tlhopha motshameko o o umakiwang mo kgannyeng mme o kwale dintlha di le 4-6 ka one.

    DBE Mophato 3 Bukatiro 1: dits 76, 84, 87DBE Mophato 3 Bukatiro 2: dits 43, 85

  • 11

    2. Lesedi o ya lebenkeleng

    PELE O BUISA KGANG

    Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

    kgosigadi, mmotlelara, pududu, dilense

    Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

    tlhopha, ntšha, khutshwane

  • 12

    Lelapa la kwa ga Moseki le reka mo lebenkeleng la diaparo.

    Lesedi yo monnye o ya le Mme mo karolong ya ditlhako. Mme o batla para ya e ntle ditlhako tse a tla di rwalang fa a ya lenyalong la ga Isago. Lesedi o leba Mme a itekanya dipara tse di farologaneng ta ditlhako. Mme o rata ditlhako tsa gauta thata. O a di rwala a bo a bina go sekae ka tsone fa pele ga seipone.

    ‘Ditlhako di ntekana sentle. Ke a di tsaya,’ Mme a rialo.

    Lesedi le ene o rata ditlhako. O tlhopha para ya tse di pinki.

  • 13

    Lesedi o ya go leba Ntate a itekanya digalase tsa letsatsi. O tlhoka para e ntšha ya digalase tsa letsatsi ka gonne o robile tsa bogologolo ka go nna mo godimo ga tsone! Ntate o rata digalase tsa letsatsi tsa dilense tse e keteng ke seipone. O a di itekanya a bo a iteba mo seiponeng.

    ‘Digalase tseno tsa letsatsi ke tsa bontle jo bo gogelang. Ke a di tsaya,’ Ntate a rialo.

    Lesedi le ene o rata digalase tsa letsatsi. O tlhopha tse di pinki.

  • 14

    Lesedi o fitlhela Nkoko a itekanya dihutshe. Nkoko o tlhoka hutshe e ntle e ntšha gore a e rwale fa a ya kerekeng. Lesedi o leba Nkoko a itekanya dihutshe tse di farologaneng di le supa tsa mebalabala. Nkoko o rata ya mmala wa namune thata. O rata thata lefofa le le pududu! Nkoko o ema sentle a bo a iteba mo seiponeng.

    ‘Hutshe eno e dira gore ke ikutlwe e kete ke kgosigadi. Ke a e tsaya,’ a rialo.

    Lesedi le ene o rata hutshe. O tlhopha e pinki.

  • 15

    Morago ga moo Lesedi o bona Rremogolo a leka disekhafo. Rremogolo o batla go reka sekhafo se seša sa mariga. Go na le disekhafo di le dintsi tse di farologaneng tse di mebalabala tse a ka tlhophang mo go tsone. Rremogolo o rata thata sekhafo sa metlhala e e phifadu le e mesweu. O se pega mo magetleng a bo a iteba mo seiponeng.

    ‘Sekhafo seno se borumo e bile se bothitho. Ke a se tsaya,’ Rremogolo a rialo.

    Lesedi le ene o rata sekhafo. Mme o tlhopha se se pinki.

  • 16

    Lesedi o ya go batla Ausi wa gagwe. Ausi wa gagwe o rata feshene. Ditsala tsotlhe tsa gagwe di rwele dikausu tse di telele ka dikhete tse di khutshwane mme le ene o batla go nna le dikausu tse di telele. Ausi wa gagwe o itekanya dipara di le mmalwa tse di farologaneng. Morago ga moo o itekanya para ya dikausu tsa methalo e e mebalabala. O iteba mo seiponeng a bo a ema jaaka mmotlelara.

    ‘Hei! Batho ba tlile go ntebella fa ke apere dikausu tseno! Ke tla di tsaya,’ Ausi wa gagwe a rialo.

    Lesedi le ene o rata dikausu. O tlhopha tse di pinki.

  • 17

    Morago ga moo Lesedi o bona Mogolowe a itekanya dihempe. O tlhoka hempe e ntšha gore a e apare kwa konsarateng ya setlhopha sa mmino. Mogolowe o rata hempe e tala ya dikonopo tsotlhe. O iteba mo seiponeng, mme o ikutlwa e le lekau tota!

    ‘Hempe eno e ntle tota. Ke tla e tsaya,’ Mogolowe a rialo.

    Lesedi le ene o rata hempe. O tlhopha e pinki.

  • 18

    Kwa bofelong, mongwe le mongwe mo lelapeng la kwa ga Moseki o bone diaparo tse a di tlhokang.

    Mme o na le ditlhako tse dintšha mme Ntate o na le digalase tse dintšha tsa letsatsi. Nkoko o na hutshe e ntšha mme Rremogolo o na le sekhafo se se ntšha. Ausi o na le dikausu tse dintšha mme Mogolowe o na le hempe e ntšha.

    ‘Ao Lesedi wa batho,’ Mme a rialo. ‘Ke ene fela a sa rekelwang sepe gompieno.’

    ‘Ke itlhopetse diaparo tsa me le nna!’ Lesedi a rialo. ‘Bona fela!’

    Mme Lesedi ke yoo o apere seaparo sengwe le sengwe se se tshwanang le se ba lelapa ba se rekileng. Mme tsa gagwe ke tsa pinki o o galalelang!

    ‘Lesedi, o lebega jaaka aesekirimi e pinki,’ Ausi wa gagwe o a tshega. ‘O lebega o le botshe gore motho a ka go ja!’

    ‘Ke rata mafoko ao!’ Ntate a rialo. ‘A re yeng go reka aesekirimi!’

    Mme ba ya go e reka.

  • 19

    Lesedi o ya lebenkeleng

    A. Tekotlhaloganyo

    Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

    1. Ke maloko a le kae a lelapa la kwa ga Moseki a a rekang mo lebenkeleng? Ke bomang?

    2. Nyalanya polelo nngwe le nngwe le bokhutlo jo bo tshwanetseng.

    a) Mme o tlhoka ditlhako c fa a ya tse di ntšha go di rwala kerekeng

    b) Nkoko o tlhoka hutshe c kwa e ntšha go e rwala konsarateng

    c) Mogolowe o tlhoka hempe c fa a ya e ntšha go e apara lenyalong

    3. Goreng Ntate a batla digalase tse di ntšha tsa letsatsi?

    4. Nkoko o ne a tlhopha _______________.

    a) hutshe ya mmala wa namune ya lefofa le le pududu

    b) hutshe e e mebalabala

    c) hutshe e pududu ya lefofa la mmala wa namune

    d) hutshe e e senang lefofa

    5. Rremogolo o reka eng? O tlhopha sefe?

    6. Baya sefapaano (X) fa thoko ga dipolelo tse e leng maaka o bo o baya letshwao () fa thoko ga dipolelo tse di boammaaruri.

  • 20

    a) Ausi o batla go rwala dikausu tse di khutshwane ka dikete tse di telele.

    b) Mogolowe o tlhoka jeresi e ntšha.

    c) Mongwe le mongwe o iteba mo seiponeng.

    d) Morago ga go reka, lelapa le ya go reka aesekirimi.

    7. Mmala o Lesedi a o ratang go feta e mengwe ke ofe? Goreng o bolela jalo?

    B. Go dirisa puo DBE Mophato 3 Bukatiro 2: ts 79

    Fetola polelo nngwe le nngwe gore e nne potso. Dirisa mafoko a a mo masakaneng.

    Ka sekai: Lelapa le kwa lebenkeleng la diaparo. (kae) Lelapa le kae?

    1. Mme o reka ditlhako tsa gauta. (eng)

    2. Lesedi o lebega jaaka aesekirimi e pinki. (Ke mang …)

    3. Botlhe ba iteba mo seiponeng go bona gore ba lebega jang. (Goreng …)

    C. A re kwaleng DBE Mophato 3 Bukatiro 1: dits 86, 89DBE Mophato 3 Bukatiro 2: dits 4, 8, 28, 108, 111

    Kwala tayari ka letsatsi le o neng o ile lebenkeleng la diaparo ka lone. Ke mang yo o neng a go isitse lebenkeleng? Lo ne lwa ya kwa go lefe? O ne wa reka eng? Gakologelwa go kwala letlha.

  • 21

    3. Sopo ya maje

    PELE O BUISA KGANG

    Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

    mokgoro, kutu, letsopa, kakanyo, leano, rwalela dikgong, baya mo

    leisong, phufudi, hupa, kgabetlelela, tatso, moutlwalo, mokgele, ikokotlela

    Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

    tshwerwe, kgabetlelela, fitlhelela

    E theilwe mo tlhamaneng ya kwa Yuropa

  • 22

    Bogologolo tala, motsamai mongwe o ne a tla mo motsaneng mongwe. O ne a sena dijo mme a tshwerwe ke tlala tota. Motsamai o ne a tsamaya mokgoro le mokgoro a kopa dijo. Mme batho ba motse ba ne ba humanegile thata, mme ba bolelela motsamai gore ga ba na dijo tse di ba lekaneng. Motsamai a tswa a tsamaya a ipotsa gore o tla dire eng.

    Ka fa ntle ga motse, motsamai a bona kutu e kgolo ya setlhare mme a nna mo go yone gore a akanye. A bona pitsa e kgolo ya letsopa e letse mo godimo ga bojang gaufi le ene. E ne ya mo naya kakanyo. Motsamai e ne e le monna yo o botlhale, mme go ise go ye kae ke fa a na le leano.

  • 23

    Motsamai a rwalela dikgong mme a di besa. Morago ga moo a baya pitsa mo leisong mme a e tlatsa ka metsi a a phepa a a tswang mo nokeng. Fa a sa ntse a letetse metsi go bela, a ya go sela maje a magolo a a borethe. A tlhatswa maje gore a nne phepa mme a a tsenya mo teng ga metsi.

    Go ise go ye kae ke fa go bonala phufudi ya go bela ga metsi e tlhatloga go tswa mo go one.

  • 24

    Ga tla mosadi mongwe ka tsela eo a pepile ngwana. Fa a bona phufudi a tla go leba gore gore motsamai o apeile eng.

    Motsamai a fudua metsi mo pitseng mme a a hupa go sekae.

    ‘Ke apeile sopo e e monate ya maje,’ a rialo. ‘Ke tla itumelela go e ja le wena, mme e tlhoka sengwe go godisa moutlwalo wa yone.’

    ‘Ke na le digwete tse o ka di tsenyang mo go yone,’ mosadi a rialo, a gakaletse go utlwa tatso ya sopo.

    Motsamai a segelela digwete mme a di tsenya mo pitseng ya metsi a a belang.

  • 25

    Moragonyana, ga tla mosadimogolo a ikokotlela ka tsela eo. Le ene a bona phufudi mme a tla go bona gore motsamai o apeile eng.

    Motsamai a fudua metsi mo pitseng, mme a a hupa go sekae.

    ‘Ke apeile sopo e e monate ya maje,’ a rialo. ‘Ke ka itumelela go e ja le wena, mme e tlhoka sengwe go godisa moutlwalo wa yone.’

    ‘Ke tla ga naya dieie di sekae,’ mosadimogolo a rialo, a gakaletse go utlwa tatso ya sopo.

    Motsamai a kgabetlelela dieie mme a di tsenya mo pitseng ya metsi a a belang.

  • 26

    Mme ga tla mosetsanyana ka tsela eo a ntse a tlola-tlola. A bona molelo le pitsa e e ntshang phufudi mme a tla go bona gore motsamai o apeile eng.

    Motsamai a fudua metsi mo pitseng, mme a a hupa go sekae.

    ‘Ke apeile sopo e e monate ya maje,’ a rialo. ‘Ke ka itumelela go e ja le wena, mme e tlhoka sengwe go godisa moutlwalo wa yone.’

    ‘Ke na le ditapole mo teng ga seroto sa me. Ke tla go naya di le mmalwa,’ mosetsanyana a rialo, a gakaletse go utlwa tatso ya sopo.

    Motsamai a segelela ditapole mme a di tsenya mo pitseng ya metsi a a belang.

  • 27

    Ka yone nako eo ga tla modisa a kgweetsa dipodi ka tsela eo. A bona batho botlhe le phufudi e tlhatloga go tswa mo pitseng, mme a tla go bona gore motsamai o apeile eng.

    Motsamai a fudua metsi mo pitseng, mme a a hupa go sekae.

    ‘Ke apeile sopo e e monate ya maje,’ a rialo. ‘Ke ka itumelela go e ja le wena, mme e tlhoka sengwe go godisa moutlwalo wa yone.’

    ‘Ke go tshwaretse nama, le letswainyana,’ modisa a rialo, a gakaletse go utlwa tatso ya sopo.

    Modisa a kgatsha letswai mo pitseng, mme motsamai a tsenya nama. A fudua metsi a a belang ka lobakanyana, a jaanong e neng e le sopo e e monate tota. Monko o o monate wa yone wa simolola go foka mo moweng.

  • 28

    La bofelo motsamai a re, ‘Sopo ya me ya maje e budule.’ Mme a tsholela batho botlhe ba motse sopo.

    ‘Mmmm, ke sopo e e monate go di gaisa tsotlhe e re kileng ra utlwa tatso ya yone! Re ne re sa itse gore o kgona go dira sopo e e monate jaana ka maje!’ batho ba motse ba raya motsamai jalo.

    Motsamai a nyenya ka tidimalo, mme a nwa sopo ya gagwe.

    A tota o ka kgona go dira sopo ka maje? Ke eng se tota se dirileng gore sopo e nne le tatso e e monate?

    Thuto ya leinane leno

    ke gore fa batho botlhe ba thusana, ba leka go fitlhelela mokgele o o tshwanang, ba ka fitlhelela dilo tse di dikgolo.

  • 29

    Sopo ya maje

    A. Tekotlhaloganyo

    Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

    1. Goreng batho ba motse ba ne ba sa neye motsamai yo o tshwerweng ke tlala dijo?

    2. Motsamai o ne a fitlhela go letse eng mo godimo ga bojang?

    3. Leano le le botlhale la motsamai e ne e le lefe?

    4. Mosadimogolo o ne a naya motsamai eng?

    5. Ke mang yo o neng a naya motsamai nama le letswai?

    6. Naya dipolelo dinomore go tswa go 1-4 ka tatelano e e siameng.

    a) Motsamai o ne a itira e kete o dira sopo a dirisa maje le metsi fela.

    b) Mongwe le mongwe o ne a itumelela dijo tsa sopo e e monate.

    c) Motsamai o ne a tshwerwe ke tlala thata mme go ne go sena dijo.

    d) Batho ba motse ba ne ba mo naya ditswaki tse a neng a di tlhoka go dira sopo e e tshwanetseng.

    7. Bolela gore a dipolelo tse di latelang di boammaaruri (B) kgotsa maaka (M).

    a) Batho ba motse ba ne ba batla go utlwa tatso ya sopo e e monate ya maje ya motsamai.

    b) Batho ba motse ba ne ba sa lemoge gore sopo e ne e dirilwe ka ditswaki tsotlhe tsa bone.

  • 30

    c) Motsamai o ne a sa batle go ja sopo ya gagwe le ope.

    d) Kwa bokhutlong sopo ya maje e ne e dirilwe ka maje le metsi.

    8. Kwa bofelong motsamai o ne a nyenya ka gonne _______.

    a) batho ba motse ba ne ba dumela gore o ne dirile sopo e e monate ka maje

    b) o ne a itumelela go bona sengwe sa go jac) o ne a itumelela go thusa batho ba motse ba ba

    neng ba tshwerwe ke tlalad) Tsotlhe tse di fa godimo.

    B. Go dirisa puo DBE Mophato 3 Bukatiro 1: ts 21DBE Mophato 3 Bukatiro 2: dits 12, 73

    Kwala dipolelo tseno gape o dirisa matshwao a thutapuo a a siameng. Bolela gore a polelo nngwe le nngwe ke potso, ke polelo, ke taelo kgotsa ke tsiboso.

    1. sopo eno e monate tota ____________

    2. ke kopa dieie ____________

    3. o apaya eng ____________

    4. motsamai e ne e le monna yo o botlhale ____________

    C. A re kwaleng DBE Mophato 3 Bukatiro 1: ts 26, 29

    Go na le disopo tsa mefuta e e farologaneng, ka sekai: sopo ya nama ya koko, sopo ya nama ya kgomo, sopo ya merogo, sopo ya ditamati, sopo ya sekwashe, sopo ya dinawa, sopo ya dieie, sopo ya dithuntshwane, jj.

    Kwala resipe ya sopo ya gago e o e ratang go di gaisa tsotlhe.

  • 31

    4. Go nna eng fano?

    PELE O BUISA KGANG

    Tlotlofoko: tlhomamisa gore o itse bokao jwa mafoko ano

    letamo, dikubu, dikwena, dikokolofutwe, dikgokelo, sekaka, kgapa,

    mešwe, diphepheng, dikukama, dikhudu, lenyora, ditale, sekgwa, dikgabo, dinoko, mangau, diphuti, mabodu, mekowe, diphororo, mmapa

    Ikatiso ya go buisa: tlhomamisa gore o kgona go buisa mafoko ano

    farologaneng, dikokolofutwe, tsotlhe, porofenseng, mešwe, diphepheng, sekgweng

  • 32

    A o bona metsi? Lefelo le ke letamo.

    Ke legae la eng le? Go nna eng fa?

    Matlho, ditsebe, molomo wa nonyane le mogatla.

    O bona diphologolo tse kae tse di farologaneng?

  • 33

    Dikubu le dikwena di nna mo letamong. Dikokolofutwe di tshwara ditlhapi mo letamong. Digwagwa le dikgokelo le tsone di nna fano. Di tlhoka metsi gore di se ka tsa swa. Letamo ke legae la tsone.

    Faele ya dintlha1. Diphologolo tsotlhe fano di nna mo Kruger National Park.2. Paraka eno e kwa Porofenseng ya Limpopo le ya Mpumalanga.3. Ke serapa se segolo go di feta sa diphologolo mo Aforika.

  • 34

    A o bona motlhaba? Lefelo le ke sekaka.

    Ke legae la eng le? Go nna eng fa?

    Matlho, ditsebe, dinaka, kgapa le mogatla.

    O bona diphologolo tse kae tse di farologaneng?

  • 35

    Mešwe le diphepheng di nna mo sekakeng. Ditau di tshwara dikukama tse di nnang mo sekakeng. Dikhudu le ditale di nna fano. Sekaka se mogote tota e bile se omile, mme ke legae la tsone.

    Faele ya dintlha1. Diphologolo tsotlhe fano di nna mo Kalahari Gemsbok

    National Park.2. Paraka eno e kwa Porofenseng ya Kapa Bokone.3. Ke karolo ya Kgalagadi Transfrontier Park kwa Botswana.4. Kgalagadi e raya ‘lefelo la lenyora’ ka Setswana.

  • 36

    A o bona ditlhare? Lefelo leno ke sekgwa.

    Ke legae la eng le? Go nna eng fa?

    Matlho, ditsebe, dinaka, molomo wa nonyane le megatla e mentsi.

    O bona diphologolo tse kae tse di farologaneng?

  • 37

    Dikgabo le dinoko di nna mo sekgweng. Mangau a tshwara diphuti tse di nnang mo sekgweng. Mabodu le mekowe le tsone di nna fano. Sekgwa ke legae la tsone.

    Faele ya dintlha1. Diphologolo tsotlhe fano di nna mo Tsitsikamma

    National Park.2. Paraka eno e kwa Porofenseng ya Kapa Bophirima le ya

    Kapa Botlhaba.3. E na le dikgwa, diphororo le dinoka. E bapile le lewatle.

  • 38

    Leba mmapa wa Aforika Borwa. Diphologolo tse o di boneng mo teng ga kgang eno di nna mo mafelong a a farologaneng a Aforika Borwa. A o bona mafelo ao mo teng ga mmapa?

    Aforika Borwa ke legae la tsone. Legae la tsone gape ke la rona.

    Aforika Borwa

  • 39

    Go nna eng fano?

    A. Tekotlhaloganyo

    Araba dipotso o dirisa dipolelo tse di feletseng.

    1. Dikubu le dikwena di iphitlha kae?

    2. Nyalanya lefelo le se o se fitlhelang mono:

    a) sekaka c metsib) letamo c ditlharec) sekgwa c santa

    3. Dikololofutwe di ja eng?

    4. Ke phologolo efe e e nnang mo sekakeng e e ka go lomang ka go go tlhaba?

    5. Bolela gore a dipolelo tse di latelang di boammaaruri (B) kgotsa maaka (M).

    a) Sekaka se mogote e bile se omeletse.

    b) Ditau di nna mo matamong.

    c) Kruger National Park e kwa Kapa Botlhaba.

    d) Mangau a nna mo dikgweng.

    6. Ke phologolo efe e e nnang mo sekgweng e e ka fetolang mmala wa yone?

    7. Diphologolo tse o buisitseng ka tsone _____________.

    a) tsotlhe di nna mo diparakeng tsa bosetšhabab) tsotlhe di nna mo Aforika Borwac) tsotlhe ke diphologolo tsa nagad) Tsotlhe tse di fa godimo.

  • 40

    8. Leba mmapa wa Aforika Borwa mo tsebeng 38. Batla diparaka tsa bosetšhaba. Ke bomang ba ba tsayang sebaka se segolo mo Aforika Borwa – batho kgotsa diphologolo tsa naga? O akanya gore go ne go tla diregang fa go ka bo go sena diparaka tsa bosetšhaba?

    B. Go dirisa puo

    DBE Mophato 3 Bukatiro 2: dits 75, 112

    Golaganya dipolelo tse pedi o dirisa ‘mme’.

    1. Dikubu di nna mo matamong. Diphepheng di nna mo dikakeng.

    2. Dikgabo di nna mo dikgweng. Dinkwe di nna mo matamong.

    3. Kukama e nna mo dikakeng. Mekowe e nna mo dikgweng.

    C. A re kwaleng

    DBE Mophato 3 Bukatiro 2: ts 94

    Tlhopha phologolo epe e o e ratang mo mokwalong ono. Kwala dintlha di ka nna nne tse di farologaneng ka phologolo ya gago, ka sekai: e nna kae, e ja eng, e na le maoto a le kae, a e kotsi, le tshedimosetso epe e nngwe e e kgatlhang. Thala setshwantsho sa phologolo ya gago.

  • Uthotho lweencwadana zebanga loMgangatho osisiSeko

    Ipapashwe 2014 ngabakwa-Molteno Institute for Language and Literacy

    Ixhaswe yi-Zenex Foundation

    Ibanga lesi-3 Incwadana 1A n Umhleli wothotho: Jenny Katzn Abaqambi bamabali: Mirna Lawrence noJenny Katzn Imibuzo emva kokufunda nemisebenzi: Jenny Katzn Incutshe kulwimi isiXhosa: Nolitha Bikitshan Umhleli wolwimi isiXhosa: N. Gxowa-Dlayedwa, University of

    the Western Cape, Linguistics Departmentn Abazekelisi: Rob Owen - 1. Iyandilibazisa le kawusi, 2. Kutheni na enje?

    Sandy Lightley - 3. Iqhekeza lokugqibela, 4. Limdaka eli gumbi!n Uyilo nongqaleko: Resolution noihwhiteDesign

    © 2014 Molteno Institute for Language and Literacy

    ISBN 978-77580-237-2

    IBANGA lesi-3

    Incwadana 1A

    Isiqulatho

    1. Iyandilibazisa le kawusi ................................... 1

    2. Kutheni na enje? ............................................... 11

    3. Iqhekeza lokugqibela ....................................... 21

    4. Limdaka eli gumbi! ........................................... 31

    Creative Commons Attribution-NonCommercial-NoDerivatives (CC BY-NC-ND) 4.0 International Licence

    Disclaimer: You are free to download and share this work as long as you attribute the Molteno Institute for Language and Literacy, but you may not change this work in any way or use it commercially.

    Xhosa 1A.indd 4-5 2015/10/19 12:35 PM

  •      Buka 3B     Buka 3B

    MOPHATO 3 SETSWANAISBN: 978-1-77580-233-4

    MOPHATO 3

    1.   Ke mang yo o thubileng fensetere?

    2.  Lesedi o ya lebenkeleng

    4.  Go nna eng fano?3.  Sopo ya maje

     BUKA 1A   BUKA 1B1. Selae sa bofelo sa kuku2. Ntate o tlhokometse lesea3. O tlile go dirang jaanong?4. Tobekano e kana!

    1. Kausu e e latlhegileng2. Melekorone3. Go aba go monate4. Setshwantsho sa popego

        BUKA 2A    BUKA 2B1. Ke leotwana la ga mang le?2. Neo o kae?3. Black-mampatile4. Kganetsano fa gare ga phefo le letsatsi

    1. Thusa!2. Sephiri3. Segwete se segolo4. Ke ipaakanyeditse leeto

          BUKA 3A      BUKA 3B1. Ao, Rre Kgabo!2. Go reetsa mmino 3. Re baka dikuku le nkoko4. Bosigo mo polasing

    1.  Ke mang yo o thubileng fensetere?2.  Lesedi o ya lebenkeleng3.  Sopo ya maje4.  Go nna eng fano?

            BUKA 4A         BUKA 4B1. Mmutla le Khudu2. Toropo ya rona3. Tshoswane le tsiekgope4. Ke leino la ga mang le?

    1. Dikeletso tse tharo2. Batsoma diphologolo3. Tau le peba4. Aforika Borwa wa rona

    (le Bukana ya Dikarabo tsa Sekao)

    Dibuka tsa go ithuta go buisa mo kgatong eno di na le ditsebe tse di oketsegileng, mokwalo o o oketsegileng mo tsebeng nngwe le nngwe, dipolelo tse di telelenyana, pharologano e kgolwane ya dipaterone tsa dipolelo, puo ya semmuso le puotlhalosi, mmogo le tlotlofoko e kgolwane. Go buisa e nna selo se se itiragalelang fela jaanong, ka boikaelelo jwa go tlhaloganya mo boemong jwa go bitsa mafoko fela /go a peleta fa barutwana ba le gaufi le go buisa ka bobone. Dibuka tseno tsa go ithuta go buisa di ba naya ditshono tsa go buisa ba le setlhopha, ba kaelwa, ka bobedi le bobedi le ka bongwe ka bongwe.

    SETSWANA

    Dibuka tsa go ithuta go buisa tsa Mophato 3 tsa Vula Bula di katisetsa bana go ithuta go buisa ka thelelo ba sa le bannye. Buka nngwe le nngwe e na le ditlhamane di le nne tse di farologaneng, go akaretsa le mokwalo ka dilo tsa mmatota. Pele ga tlhamane nngwe le nngwe, go na le lenaane la mareo a tlotlofoko le lenaane la mafoko a go leng ‘thata go a buisa’ a go lebeletsweng gore barutwana ba a kgone. Tlhamane nngwe le nngwe e latelwa ke dipotso di le mmalwa tsa tekotlhaloganyo, le ditirwana tsa puo le tsa a re kwaleng tse di golagantsweng le CAPS le Dibukatiro tsa Mophato 3 tsa DBE.

    Tswana-3B.indd 2-3 2015/10/19 12:19 PM