THERO YA PASEKA - Webnodefiles.reformed-church-khunwana.webnode.com/200000004-70fbb71f35... ·...

13
THERO YA PASEKA BONA KWANA YA MODIMO EE TLOSANG MALEO A LEFATSHE THERO YA MORENA JESU KRISTE NAKONG YA LOSO LWA SEFAPAANO

Transcript of THERO YA PASEKA - Webnodefiles.reformed-church-khunwana.webnode.com/200000004-70fbb71f35... ·...

THERO YA PASEKA BONA KWANA YA MODIMO EE TLOSANG MALEO A LEFATSHE THERO YA MORENA JESU KRISTE NAKONG YA LOSO LWA SEFAPAANO

Page 1 of 12

BUISA: MATHEO 27: 32-JOHANE 19:30

DITEMA-THERO: LK.23:34, 43, 46; MTT.27:46/MK.15:34 JN.19:26-27, 28,

30

MOTLHODI-THERO: Bonang kwana ya Modimo ee tlhosang maleo a

lefatshe!

Gompieno ke ne ke sa ikaelela go ka lo itsese sepe fa e se Jesu

Keresete fela,ka jalo a re reetseng tsa loso lwa Morena Jesu Kriste.

Morena Jesu Kriste mo tshekong ya gagwe one a atlholelwa loso jaaka

disenyi tseo o neng a bapotswe le tsona;a boga loso lwa

sefapaano.Jesu o ne a atlholetswe loso lwa sefapaano,gonne lefoko le

re: Botlhe ba re a bapolelwe sefapaanong...a mo ba neela gore a

bapolwe.Tshwetso e ne e tshotswe go se na gore katlholo e ka

busediwa morago kgotsa gona go dira boikuelo.

Lefoko le le boitshepo le re: “ya re ba tswela kwa ntle”, ga go

tlhalosege sentle gore a ba ne ba tswela kwa ntle ga kgotla-tshekelo

kgotsa kwa ntle ga motse. Mme gona moo ba kopana le Simone wa

Page 2 of 12

Kirene yo e neng ele rraagwe Aleksantere le Rufo, ba mo pateletsa go

sikarisa Jesu Kriste Sefapaano. Simone a sikara sefapaano go fitlha

Felong-ga-logata moo Jesu Kriste le disenyi tse pedi ba ne ba

bapolelwa teng. Go ne go bidiwa Felo-ga-logata(Golgotha)gonne go ne

go tletse magata a batho bao baa neng ba bapolelwa teng ka gale.

Seno se tiisetsa tota gore katlholo ga ya ka ya busediwa morago kgotsa

gona go ka sekegwa,Simone le ena ke mosupi wa seo gonne o ne a

sikara sefapaano seo se neng se dirafatsa katlholo.

Le mafoko aa reng: “Fa o le morwaa Modimo,fologa mo sefapaanong”

a supa sentle gore Jesu o atlholetswe loso lwa sefapaano.

Mo boemong jwa gore Jesu Kriste a ikarabele mo mantsweng a tshotlo

ao o a amogelang, o tsweletsa pele tiro ya gagwe ya go rera efangeli ya

pholoso eo e neng e supa boleng jwa loso lwa gagwe lwa sefapaanong.

Jesu Kriste fa a ne a le mo sefapaanong o ne a rera mafokong aa reng:

FATHER, FORGIVE THEM: FOR THEY DO NOT KNOW WHAT THEY ARE

DOING-RARA, BA ITSHWARELE; GONNE GA BA ITSE SE BA SE DIRANG.

LK.23:34

TODAY YOU WILL BE WITH ME IN PARADISE- KAJENO O TLA NNA LE NNA

MO PARADEISENG. LK.23:43

WOMAN, LOOK! YOU SON, SON LOOK! YOUR MOTHER-MOSADI BONA

MORWAO KE YOO, MORWA BONA MMAAGO KE YOO. JN.19:26-27

MY GOD, MY GOD, WHY HAST THOU FORSAKEN ME?-ELI, ELI, LAMA

SABAGATHANI? MODIMO WA ME, MODIMO WA ME, O NTLOGELETSENG.

MTT.27:46/MK.15:34

I AM THIRSTY-KE NYORILWE. JN.19:28

IT IS FINISHED-GO WEDITSWE. JN.19:30

FATHER, INTO THY HANDS I COMMEND MY SPIRIT-RARA, KE NEELA MOWA

WA ME MO DIATLENG TSA GAGO. LK.23:46

Page 3 of 12

RARA BA ITSHWARELE; GONNE GA BA ITSE SE BA SE DIRANG LK.23:34

Jesu Kriste one a rapelela botlhe,bao baa ba neng ba mo sotla le

mongwe le mongwe yo e leng moleofi. Go boammaruri go re batho ba

ne ba sa itse se ba se dirang, gonne ba ne ba ithaya ba re ba sotla Jesu

Kriste le go mo didimatsa. Ka nte Jesu e ne o tsamaya fela jaaka go ne

go rulagantswe, gonne o ne a bua a re Morwa-Modimo o tsaya fela ka

fa go rulagantsweng ka teng, fela go latlhega morwa-tatlhego. Jesu

Kriste one a rata gore batho ba bone sebaka sa go ithaabologelwa le go

ikotlhaela maleo a bone esita le bone babogisi ba gagwe. Gonne

Modimo o sa kgatlhwe ke loso lwa modira-dibe,o ne a rata gore le

bone bao baa bapotsweng le ena ba tle ba bone boitshwarelo jwa

maleo a bone.

Jesu o ne a ruta batho go itshwarela ba bangwe melato ya bona ka

mantswe a thapelo ya Morena a a reng: O re itshwarele melato ya

rona jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona! A tswelela-pele a

re: Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, le lona Rraeno wa

legodimo o tla lo itshwarela. Mme fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa

bone, Rraeno le ene ga a kitla a lo itshwarela ditlolo tsa lona. Morena

Jesu Kriste o ne a netefatsa mafoko ano ka mantswe a no ao a buang

nakong ya sefapaanong. Gape Jesu o ne a bontsha boleng jwa loso lwa

gagwe lwa sefapaano, go bontsha gore o ineetse mo sefapaanong gore

re le batho re bone boitshwarelo jwa maleo a rona. Ka jaanong lo bone

boitshwarelo jwa maleo a lona, ene e re fa lo rapela lo eme, lo

itshwarela yo lo gopolang molato wa gagwe, gore Rraeno yo o kwa

magodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona.

Page 4 of 12

Mme fa lona lo sa itshwarele, itseng gore Rraeno le ena yo o kwa

magodimong ga a nke a lo itshwarela ditlolo tsa lona. O ne a dirisa

mafoko aa reng: “Mme nna ke lo raya ke re: ‘Ratang baba ba lona, lo

tshegofatseng ba ba lo hutsang; ba ba lo tlhoileng lo ba direleng

molemo, lo rapelele ba ba lo kgobatlang, ba lo bogisa. Ga dirafala

lefoko leo le builweng ke moporofeti Jesaya le le reng: ‘Ka moo ke tla

mo abela boswa mo go ba bagolo; o tla ananya thopo le ba ba thata;

ka gonne o ne a neela bophelo jwa gagwe mo losong; a balwa le

baikepi.

Mme tota o ne a rwala boleo jwa ba bantsi, a rapelela baikepi. Batho

ba mo sotla ka go mo kgwela mathe, ba mo rwesa le serwalo sa

mmitlwa. Ba kgaoganya diaparo tsa gagwe, ba di tlhabela tengwa. Ga

dirafala lefoko leo le builweng ke Dafita mo Pesalomeng le le reng:

“Nka bala marapo otlhe a me, mme bone ba a mpona, ba ntebile ba

kgatlhega. Ba kgaoganya diaparo tsa me, mme kojwana ya me ba e

tlhamela tengwa”.

Le fa Jesu a ne a rapelela baleofi botlhe, monna mongwe wa sesenyi

yo o neng a bapotswe nae o ne a sa tlhaloganye le go utlwa seo Kriste

o neng a se bua ka mafoko ano. Gonne o ne a tswelela-pele ka go kgala

le go sotla Jesu Kriste are: A ga o Kriste ne, ipholose le rona o re

pholose! Jesu fa a ne a re Rara ba itshwarele, gonne ga ba itse se ba se

dirang; o ne a ba pholosa mo sebeng sa bona,gonne seo e ne e le

morero wa loso lwa MORENA Jesu Kriste sefapaanong.

Yo mongwe wa tsona disenyi tse, a kgalemela seo se kgalang Jesu are:

A le wena ga o boife Modimo, etswe o bapotswe fela jaaka ene; yo ene

ga a dira sepe mme fa ele rona re amogela tseo dire tshwanetseng. Fa

Page 5 of 12

a sena go bona le go ipobola maleo a gagwe, are : ‘Morena, o nkgopole

fa o fitlha mo bogosing jwa gago’. Jesu fa a mo araba are:

AMMARURI KE GO RAYA KE RE: KAJENO O TLA NNA LE NNA MO

PARADEISENG LK.23:43

Jesu o araba monna yo o utlwileng fa go na le boitshwarelo mo

Modimo, ebile a bona gore a dirise tshono eo a e neelwang go

sokologa. Monna yo, o bona boitshwarelo jwa gagwe ka netefaletso ;

Ammaruri ke go raya ke re: kajeno o tla nna le nna mo paradeiseng.

Paradeise le bogosi jwa Morena Jesu Kriste di kopana jang, fa monna

yo a re: ‘O nkgopole fa o tsena mo bogosing jwa gago mme Jesu ene a

bo a araba a re: ‘O tla nna le nna mo paradeiseng?’

Ga dirafala lefoko le le reng: Gona le bangwe ba bone ba ba emeng fa,

ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope ba ise ba bone Morwa-Motho a

tla ka puso ya gagwe. Jesu o simolola ka lefoko la netefaletso:

“Ammaruri ke go raya ke re”, gonne lefoko la Morena ele la

boammaruri le botlalo. Lefoko leno la segerika∏ᾳῤᾳ∂έῐσᾡ

(paradeisoo) le bolela tshimo ya Modimo eo eleng legodimong.Mme fa

re gopola lefoko tshimo re gopola tshimo ya Etene eo Modimo o neng

o beile motho mo go yona mo tshimologong.

Mo tshimong eno e ne ele sesupo sa gore motho o ne a le mo bogone

jwa Modimo, go fitlhella a leofa mme Modimo wa mo leleka go yona

ka ntlha ya sebe. Modimo wa thibella motho go ka tsena mo tshimo

eno gape ka go baya bokerubime mo dintlheng tsotlhe go disa tshimo

eno. Ka loso lwa Morena wa rona Jesu Kriste motho o bona gape

tshiamelo ya go tsena mo tshimong ya Modimo le go nna mo bogone

Page 6 of 12

jwa Modimo. Lefoko la Morena le re: “ ...Yo o fenyang ke tla mo naya

go ja setlhare sa bophelo se se mo Paradeiseng ya Modimo”. Rea itse

gore mo tshimologong Modimo o ne o ileditse motho go ja leungo la

setlhare sa kitso ya molemo le bosula, wa be wa mo thibela le go ka ja

setlhare sa botshelo. Mme botlhe bao baa fentseng ka loso lwa

Morena Jesu Kriste ba bona tshiamelo ya go ja setlhare sa bophelo mo

Paradeiseng ya Modimo. Gape yo o fenyang Morena o tla mo naya

gore a nne le Ena mo sedulong sa gagwe sa bogosi, jaaka le Ena a

fentse, a ntse le Rre mo sedulong sa gagwe sa bogosi. Ka jalo Paradeise

le bogosi jwa Modimo ke tulo e le nngwe fela, ga gona pharologanyo

go tsona. Monna yo wa sesenyi o fentse ka go dumela mo go Jesu

Kriste jaaka Mopholosi wa gagwe. Nna le wena fa re ipobola maleo a

rona le go dumela mo go Jesu Kriste gore ka go swa gagwe mo

sefapaanong re bone boitshwarelo jwa maleo a rona,re tla pholosiwa

le go bona phenyo mo mading a Morena wa rona Jesu Kriste. Jesu

Kriste mo thapelong ya gagwe fa a rapelela badumedi a re: “Rara, ke

rata gore ba o ba nneileng le bone ba nne le nna kwa ke leng teng,

gore ba bone kgalalelo ya me eo e nneileng, ka o nthatile lefatshe le ise

le thaiwe.

MOSADI BONA MORWAO KE YOO, MORWA BONA MMAAGO KE YO O

JN.19:26-27

Jesu o tlisa kopano go batsadi le bana ba bona, fela jaaka le ena a tla

kopa le Rara ka go dira thato ya gagwe.

Maria le Johane yo e neng ele mongwe wa barutwa bao Jesu o neng a

ba rata thata ba tshwaragangwa losong lwa Morena Jesu. Jesu o ne a

bue mafoko aa reng; “Lo se gopole gore ke tsisitse kagiso mo

lefatsheng; ga ke a tsisa kagiso, fa e se tšhaka. Gonne ke tsile go

Page 7 of 12

lotlhanya motho le rraagwe, morwadi le mmaagwe, ngwetsi le

matsalaagwe. Mme ba ntlo ya motho e tla nna baba ba gagwe”.

Ka mafoko ano Kriste o ne a ruta gore ga ese botlhe ba lelapa bao baa

tla mo salang morago, bangwe ba tla mo sala morago, fa bangwe ba tla

mo itatola. Jaanong Jesu Kriste ka loso lwa gagwe o tlisa kagiso le

botsalano go Modimo le batho, fela jaaka a e supa ka Maria le Johane.

Jesu Kriste o ne a supa boleng jwa kopano le kitlano ya lelapa la

bodumedi. Tshwaragano ya badumedi go aga lelapa la bokriste,mme fa

o lebelela mo sebakeng seno o bona malapa a le mantsi a sena kitlano

ya bodumedi.

Batsadi le bana ba bone ga ba mmogo mo loratong lwa Modimo

Rraetsho ka Jesu Kriste Morena wa rona. Ba re dumelang mo go Jesu

Kriste ka loso lwa gagwe re bona tshiamelo ya go bidiwa bana ba

Modimo.

ELI,ELI,LAMA SABAGATHANI?MODIMO WA ME,MODIMO WA ME,O

NTLOGELETSENG? MTT.27:46/MK.15:34

Jesu fa a bua mafoko ano ba ithaya ba re o bitsa moporofeti Elia, ke

moo ba bangwe ba reng: “Lesa, re boneng gore a Elia o tla tla,a mo

golola. Ka nte Jesu o ne a bua le Modimo Rara yo o leng legodimong, fa

a ne a bona thata ya boModimo e mo tlogela gore a tle a boge

botlhoko jwa sefapaano le jwa dibe tsa rona batho bao re leng baleofi.

Mantswe a, a tlhagelela mo Pesalomeng ya Dafita : Modimo wa me,

Modimo wa me, o ntlogeletseng, wa nna kgakala le thuso ya me,

kgakala le mafoko a selelo se segolo sa me?

Modimo wa me, ke bitsa motshegare, mme ga o nkarabe; le mo

bosigong ke a lela, mme ga ke gomotsege. Se nne kgakala le nna,

Page 8 of 12

gonne pitlagano e gaufi, mme ga go na mothusi. Thata ya me e

omeletse jaaka lengetana,loleme lwa me lo kgomaretse magalapa a

me; mme o ntatsa mo loroleng lwa loso. Gonne ke utlwa kgalo ya

batho ba le bantsi.Poitshego e ntlheng tsotlhe,ka ba gakololana ka ga

me; ba ikaeletse go mpolaya. Mme nna ke ikantse wena, MORENA, ka

re : “O Modimo wa me”.

KE NYORILWE JN.19:28

Ba ithaya ba re o tshwerwe ke lenyora la go bona metsi ka ntlha ya

letsapa le go goa ga gagwe, ke moo ba mo nayang motatsa eleng

nngwe ya diaseine tseo di neng di noa ka yona nako tseo.Go ne go le

Aseine ya weine le Aseine ya Motatswa le matute a moweine. Motatsa

ene e le weine ee tlhwatlhwa e tlase eo e neng e noa ke batho bao ba

neng ba bogisa le go bapolela batho losong.

Ka nte Jesu fa a ne a re: “Ke nyorilwe”, ba gopola gore o batla metsi,

mongwe wa babogisi a taboga a ina ngami mo motatseng, ae tlhomela

mo lotlhakeng, a mo nosa. Eleng seo se boletsweng ke Dafita a re: “

Nyatsego e mphatlotse pelo, ka felwa ke thata; ke tlhologeletswe

boutlwelo-botlhoko, mme ga bo yo, le bagomotsi, mme ga ke ba bone.

Ba nneile santlhokwe go nna sejo sa me, mme e rile ke nyorilwe, ba

nnosa motatsa”. Jesu o ne a sa nyorelwa sepe sa tsona mme o ne a

nyoretswe senwelo seo o kileng a rapela ka sona fa a le Gethsemane.

Fa a le Gethsemane a ile go rapela o bua mafoko aa reng: “ Rra, fa go

ka kgonega, a senwelo se, se mphete; fela e se nne ka fa nna ke ratang

ka teng, mme go dirafale kafa wena o ratang ka teng.Rra, fa senwelo

se, se sa ka ke sa mpheta ke sa se nwe, a thato ya gago e dirafale!”.

Jesu fa a kgalemela Petoro o mo raya a re: “Somela tšhaka mo

kgwatleng. A ga ke a tshwanela go nwa senwelo se Rara a se

Page 9 of 12

nneileng?”.Mafoko a, a Segerika ‘∏ῐνᾡ ∏οṭέῤῐον( Pinoo Poterion) a

bolela go ‘boga’; se se bolela gore Jesu o ne a rata go boga dipogo tsa

sefapaano le go utlwa botlhoko jwa dibe le go sikara maleo. Matlhoko

a dibe a ne a mo utlwalela Moyeng le mo mmeleng, a ikutlwa a

tshwanelwa ke go a sikara le go a boga. Jesu Kriste o ne a sikara le go

pogisiwa ka ntlha ya maleo a ba le bantsi, gore bao baa dumelang mo

losong lwa gagwe batle ba bolokesege le go bona boitshwarelo jwa

maleo a bona.

GO WEDITSWE! JN.19:30

Ya re tsotlhe di sena go phethagala, Jesu a sena go wetsa tiro yotlhe e

Rara o mo romileng yona; ke moo a reng: “Go weditswe!”. Jesu o ne a

bue mafoko aa reng: “Nna ke na le tshupo ee fetang ya ga Johane;

gonne ditiro tse Rara o di nneetseng go di wetsa,e bong tsona ditiro

tse ke di dirang,di supa ka ga me gore Rara o nthomile. Gonne thato ya

ga Rre ke go re,mongwe le mongwe yo o lebang Morwa,a ba a dumela

mo go ene,a nne le bophelo jo bo sa khutleng,mme nna ke tle ke mo

tsose ka letsatsi la bofelo.Ke go galaleditse mo lefatsheng ka go fetsa

tiro eo e nneetseng go e dira. Jaanong,wena Rara, nkgalaletse mo go

wena ka wesi ka kgalalelo e ke neng ke na le yona fa go wena,lefatshe

le ise le nne teng”.

Fa motho a romilwe go nna ‘Ambasatara’ ya naga ee rileng mo nageng

e nngwe, fa tiro ya gagwe e fedile,o tshwanelwa ke go boela gae;go

supa mo nageng e a leng go yona le e a tswang go yona go re o dirile

tiro.Jesu tiro e fedile o tshwanelwa ke go boela gae,kwa o tswang teng

le go amogela maemo a gagwe kwa legodimong.Tsotlhe tseo di

builweng ka ga gagwe mo dikwalong tsa phethega le go dirwa botlalo.

Leina la gago ke le ba itsisitse,mme ke tla fela ke le ba itsise gore lorato

Page 10 of 12

lo o nthatileng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go

bone,go bua MORENA JESU.

RARA, KE NEELA MOWA WA ME MO DIATLENG TSA GAGO LK.23:46

Ke neela mowa wa me mo seatleng sa gago, ke wena yo o nkgolotseng,

MORENA, Modimo oo ikanyegang. Lesire la tempele la gagoga ka

bogare. Gore re tlhaloganye sentle ka lesire le, re tshwanelwa ke go

tlhaloganya kago ya Tabernakele eo Modimo o neng o laetse Moše go

e aga. Tabernakele e, ene e kgaogantswe ka dikarolo di le tharo ebong

ya lelapa, Felo-ga-Boitshepo le Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo.

Gone go na le lesire leo le kgaogantseng Felo-ga-Boitshepo le Felo-ga-

Boitshepo jwa Maitshepo.

Mo Felong-ga-Boitshepo go ne go tsena batho botlhe gone go tla go

obamela Modimo ka gale, mme Felong-ga-Boitshepo –jwa-Maitshepo

go tsena fela Moperesiti yo mogolo gangwe fela ka ngwaga go dira

thuanyo ya maleo a batho.

Lesire leo le neng la gagoga ka bogare ene ele leo le neng le

kgaogantse Felo-ga-Boitshepo le Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo.

Lesire leo le neng le thibela mongwe le mongwe go tsena mo Felong-

ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo mme go letleletswe fela moperesiti yo

mogolo fela go tsena ka madi a dikwana go dira thuanyo ya maleo a

batho. Ka tseo Mowa oo Boitshepo o ne o supa gore tsela ee yang kwa

Felong-ga-Boitshepo e ne e ise e bonatshege, fa taberenakele ya ntlha

e sa ntse ele teng...

Page 11 of 12

Lefoko la Morena le re: “Jaanong he, ba ga etsho, ere ka re na le

phuthologo ka madi a ga Jesu go ka tsena mo Felong-ga-Boitshepo-

jwa-maitshepo ka tsela e ntšhwa ee phelang eo e e bulegetseng go ka

ralala lesire, ke gore, ka nama ya gagwe,e re ka re bile re na le

moperesiti yo mogolo yo o okameng Ntlo ya Modimo.

A re atameleng he ka dipelo tsa boammaruri,re na le tumelo ee

tletseng,re kgatshitswe dipelo, go tlositswe matswalo,re bile re

tlhapisitswe mebele ka metsi aa phepa.

Seno se bolela gore ka Jesu Kriste yo eleng tsela le boammaruri le

bophelo re na le tshono ya go tsena kwa legodimong gonne re bone

thuanyo ka moperesiti yo mogolo yo o tseneng ka madi a gagwe fa

pele ga Modimo wa rona.

Keresete o tsile go nna moperesiti yo mogolo wa masego aa tla tlang,a

ralala Felo-ga-Boitshepo fa go gaisang ga pele ka bogolo le botlalo, fa

go sa dirwang ka diatla, ke gore, fa e seng ga tlholego eno.Rara, ke

neela moya wa me mo diatleng tsa gago, sebaka sa me se mo seatleng

sa gago. Nkgolole mo diatleng tsa baba ba me le mo go ba ba

ntelekileng.Ya re a sena go bua jalo, a ntsha mowa.Ga rea tshwanela

go tlhaloganya mafoko a,jaaka ‘leele’,seno se tlhalosa gore o ne a

neela mowa kgotsa gona go swa;fela jaaka mang le mang wa rona a

swa.

E rile re le bokoa,Keresete a swela rona baikepi ka nako ya teng.Kana

go thata gore mongwe a ka beta pelo,a swela yo o molemo.Mme

Modimo o supile lorato lo o re ratang ka lone,ka Keresete a re

swetse,re ntse re le baleofi.Jaanong e re ka re siamisitswe ka madi a

gagwe,bogolo jang ne re tla pholosiwa ke ene mo bogaleng. Gonne fa

re ne ra ruanngwa le Modimo ka loso lwa Morwaa-ona re le baba,re tla

Page 12 of 12

pholosiwa bogolo jang ne ka botshelo jwa gagwe,ka re le ba ba

ruantsweng!Mme ga se gona fela,e bile re ipoka ka Modimo ka

Morena wa rona Jesu Keresete yo jaanong re amogetseng thuanyo ka

ene. TSHEGOFATSO: A MORENA wa kagiso yotlhe a lo boloke ka madi

a morwawe Jesu Kriste. Amen!